Matseno
Tshedimosetso ka Atheraitisi
GO TLHALOGANYA ATHERAITISI
ATHERAITISI KE ENG?
ATHERAITISI e kaya kgotelo e e bakang botlhoko mo ditokololong.
DITOKOLOLO DI DIRA JANG?
Tokololo ke karolo ya mmele fa lerapo le le lengwe le tsenang mo go le lengwe. Marapo a mabedi a tshwaragantswe mmogo ke dintha, tse di tsholang marapo go nna mmogo fa mesifa e lelefala le go khutshwafala go dira gore tokololo e tsamaye.
Bofelo jwa mesifa bo nna bonnye mme e bope menape e e tsentsweng mo lerapong.
Kwa bofelong jwa marapo go na le boalo jwa lehihiri. Lehihiri le teng ka fa gare ga tokololo. Lehihiri le thibela marapo mo go thulaneng mme le dira jaaka dimonyela letshogo.
Sebaka se se ka fa gare ga tokololo ke mosima wa tokololo o o tshotseng seelatokololo. Seela se logetsa tokololo le go tlamela dikotla kwa tokololong le lehihiri.
Motsamao wa tokololo o diragala fa mosifa o hunega, o gogela monape, o jaanong o tsamaisang marapo a mabedi go ya kana go tswa go le lengwe.
A GO NA LE MEFUTA E E FAROLOGANENG YA ATHERAITISI?
Go na le mefuta e e farologaneng ya ATHERAITISI. Go na le go feta malwetse a a farologaneng a go feta lekgolo a a ka tlholang atheraitisi.
RA ke bolwetse jo bo sa foleng bo bo ka amang mmele otlhe ka go ikutlwa ka kakaretso o sa itekanela sentle. Matshwao magolo ke go ruruga, go hibila, go gotela le setlhabi mo ditokololong. RA ka gale e lemogiwa mo ditokololong tse di nnye tsa maoto, mabogo le mo marapong a matlhalela. E ka tsamaya jalo go ya ditokololong tse dikgolwane tsa dijabana, magetla le mangole. Fa RA e etegela, ditokololo di ka golafala mme tsa gwalala go ka tsamaya.
OA ke boemo bo bo ka isang kwa konalong le go kgagogong ya ditokololo jaaka mangole, dinoka le menwana, kana go tswa kgobalong. Se ke bolwetse jwa ditokololo fela, mme ga bo ame mmele otlhe. OA e ama dikarolo tsotlhe tsa tokololo mme e tlhole setlhabi le go gwalala, segolo morago ga tiriso ya mmele.
KAOTO
Kaoto ke bolwetse jwa tirego ya mekhenisime ka phetiso ya boleng jwa tlhago.
KE MANG YO O TSHWARWANG/TLHASELWANG KE ATHERAITISI?
Atheraitisi e ka tshwara mongwe le mongwe. Mefuta mengwe ya atheraitisi e tlhagelela ka gale mo malokong a lelapa a batho ba atheraitisi.
Atheraitisi e ama batho ba dingwaga tsotlhe, go akarediwa le bana.
Mefuta mengwe ya atheraitisi e tlwaelegile thata mo basading (sk. Atheraitisi ya rheumatoid) fa e mengwe e tlwaelegile thata mo banneng (sk. kaoto)
Atheraitisi ya osteo ya bobedi e tlwaelegile mo bathong ba bannye, banna le basadi ka bobedi, mme e golaganngwa le mabaka jaaka tshwaetso, motshameko kana manokonoko.
Atheraitisi osteo e tlwaelegile mo bathong ba bagolo.
GO KA DIRWA ENG GO ALAFA ATHERAITISI?
Kalafi ya Atheraitisi e tla ikaega mo sebakweng mme e ka tsenyeletsa tse di latelang:
A DIKGATO TSA KAKARETSO
Fokotsa boima fa o le mafura, kana o le boima bo bo feteletseng, tiisa mesifa, ka go itshidilola; se atamele nnotagi le dijo dingwe. Mo kaotong; se atamele dijo tse di kwa godimo /fa gare ka boleng jwa nama jaaka nama e khibidu, sepeke, dithuntshwane, tlhapi, sepinatšhe, dinawa tse di omileng, dierekisi tse di omileng le lentele
Tiriso ya sepalaka, maseka, setshegetsa lengole kana lengenana, thobane ya go tsamaya, diikokotlelo le ditlamelwana tsa dithusa tse dingwe di thusa balwetse bangwe, fela go ikaegile ka gore ke ditokololo dife tse di amegang le ketegelo ya tshenyego ya tokololo.
MELEMO
Dibolaya setlhabi di ka dirisiwa go tlamela thuso go okobatsa setlhabi.
Diritibatsi tse di bolayang botlhoko le go se gotele ke tsa botlhokwa mo go thuseng go fokotsa setlhabi, go gwalala le go ruruga ga ditokololo. Di dirise ka tlhokomelo.
Diritibatsi tse di okobatsang bolwetse di ka dirisiwa go thibela ditiragalo tse di ipoeletsang tsa setlhabi le go ruruga ga ditokololo. Di ka dirisediwa mefuta e e rileng ya Atheraitisi jaaka Atheraitisi ya Rheumatoid.
Kalafi e e totobetseng e teng fa sebakwa sa Atheraitisi se itsewe sk. kaoto kana ditshwaetso.
KARO
Fa molwetse a na le kgobalo e e feteletseng mo tokololong gona go ka tlhokega gore a dire karo go fokotsa setlhabi le go tokafatsa tiro ya tokololo. Nako nngwe go tlhokega go thibela kgobalo go ya pele mo tokololong.
O KA DIRA ENG FA O AKANYA GORE O NA LE ATHERAITISI?
Etela tikwatikwe ya tlhokomelo ya boitekanelo kana ngaka ya lelapa. Nngwe ya dikgato tsa ntlha e tla nna go tlhomamisa fa matshwao e le a ATHERAITISI kana RAMATIKI.
